settings icon
share icon
Potso

Ke fetsa go baya botshelo jwa me mo go Jesu … jaanong?

Karabo


Ke fetsa go baya botshelo jwa me mo go Jesu … jaanong?

Masego! O tshotse tshwetso e e fetolang botshelo! Ka gongwe o a botsa, “Jaanong? Ke simolola jang loeto lwa me le Modimo?” Dikgato tse tlhano tse di umakilweng fa tlase di tla go naya ntlha go tswa mo Beibeleng. Fa o na le dipotso ka loeto lwa gago, ke kopa o etele: www.GotQuestions.org/Setswana.

1. Netefatsa gore o tlhaloganya poloko.

1 Johane 5:13 e re bolelela gore, “Ke kwalela dilo tse go ba ba dumelang mo leineng la Morwa Modimo gore lo itse fa lo na le botshelo jo bo nnetseng ruri.” Modimo o batla gore re tlhaloganye poloko. Modimo o batla gore re nne le boitshepo jwa go itse gore e le ruri re pholositswe. Ka bokhutshwane, a re lebeng gape dintlha tsa botlhokwa tsa poloko:

(a) Rotlhe re leofile. Re dirile dilo tse di sa kgatlhiseng mo matlhong a Modimo (Baroma 3:23).

(b) Ka ntlha ya maleo a rona, re tshwanetse go otlhaiwa ka go kgaoganngwa le Modimo ka bosakhutlheng (Baroma 6:23).

(c) Jesu o re swetse mo sefapaanong go duelela maleo a rona (Baroma 5:8; 2 Bakorinta 5:21). Jesu o sule mo boemong jwa rona, a tsaya kotlhao e e neng e tshwanetse rona. Tsogo ya gagwe e netefaditse gore loso lwa ga Jesu le ne le lekane go duelela maleo a rona.

(d) Modimo o tlamela boitshwarelo le poloko go botlhe ba ba beileng tumelo ya bona mo go Jesu – ba dumela gore loso lwa gagwe ke tuelo ya maleo a rona (Johane 3:16; Baroma 5:1; Baroma 8:1).

Ke molaetsa wa poloko! Fa o beile tumelo ya gago mo go Jesu Keresete jaaka Mmoloki, o pholositswe! Maleo a gago otlhe a itshwaretswe, mme Modimo o solofetsa gore ga a kitla a go tlogela (Baroma 8:38-39; Mathaio 28:20). Gakologelwa, poloko ya gago e sireletsegile mo go Jesu Keresete (Johane 10:28-29). Fa o dumela fela mo go Jesu jaaka Mmoloki le Mopholosi wa gago, o ka nna le boitshepo jwa gore o tla tshela ka bosakhutlheng kwa legodimong!

2. Batla kereke e e siameng e e rutang Beibele.

O se ka wa tsaya kereke jaaka kago. Kereke ke batho. Go botlhokwa gore badumedi ba nne le bokaulengwe le ba bangwe mo go Jesu Keresete. Ke nngwe ya maikaelelo a ntlha a kereke. Jaanong ka gonne o beile tumelo ya gago mo go Jesu Keresete, re go rotloetsa ka thata gore o batle kereke mo lefelong la gago e e dumelang mo Beibeleng mme o bue le moruti. Dira gore a itse ka tumelo ya gago e ntšhwa mo go Jesu Keresete.

Maikaelelo a bobedi a kereke ke go ruta Beibele. O ka ithuta tsela ya go diragatsa ditaelo tsa Modimo mo botshelong jwa gago. Go tlhaloganya Beibele go botlhokwa mo go tsheleng ka katlego le go nna le botshelo jo bo maatla jwa Sekeresete. 2 Timoteo 3:16-17 e a re, “Lefoko la Modimo le na le mowa wa Modimo mme le na le mosola go ruta, go kgalema, go baakanya le go ruta mo tshiamong, gore ngwana wa Modimo a ipaakanyetse tiro nngwe le nngwe e e molemo.”

Maikaelelo a boraro a kereke ke go obama. Kobamelo ke go lebogela Modimo tsotlhe tse a di dirileng! Modimo o re bolokile. Modimo o a re rata. Modimo o a re tlamela. Modimo o a re kaela le go re bontsha tsela. Re ka tlhoka jang go mo leboga? Modimo o boitshepo, o siame, o lorato, o kutlwelobotlhoko, mme O tletse kgalalelo. Tshenolo 4:11 e bolela jaana, “O tshwanetse, Morena le Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le thata, gonne o dirile dilo tsotlhe, mme di bopilwe ka thato ya gago go nna teng.”

3. Beela nako kwa thoko letsatsi le letsatsi go tsepamisa mo Modimong.

Go botlhokwa mo go rona go nna le nako e re tsepamisang mo Modimong letsatsi le letsatsi. Batho ba bangwe ba bitsa nako seno “nako ya tidimalo”. Ba bangwe ba se bitsa “tirelomodimo”, ka gonne ke nako e re ineelang mo Modimong. Bangwe ba rata go beela nako kwa thoko mo mosong, fa ba bangwe ba rata mo maitseboeng. Ga go tshwenye gore o bitsa nako e o reng le gore o nna le yona leng. Se se botlhokwa ke gore o nna le nako le Modimo ka gale. Ke ditiragalo dife tse di dirang nako ya rona le Modimo?

(a) Thapelo. Thapelo ke go bua le Modimo. Bua le Modimo ka matshwenyego le mathata a gago. Kopa Modimo go go naya botlhale le kaelo. Kopa Modimo go tlamela ditlhokego tsa gago. Bolelela Modimo gore o Mo rata go le kana kang le gore o itumelela tsotlhe tse a go di direlang go le kana kang. Ke se thapelo e leng sona.

(b) Go buisa Beibele. Go tlaleletsa go rutiwa Beibele kwa kerekeng, Sekolo sa Sontaga le/kgotsa dithuto tsa Beibele – o tlhoka go ipuisetsa Beibele ka bowena. Beibele e na le dilo tsotlhe tse o tlhokang go di itse gore o tshele botshelo jo bo atlegileng jwa Sekeresete. E na le kaelo ya Modimo ya gore o dire jang ditshwetso tse di tlhalefileng, gore o itse jang thato ya Modimo, gore o rute ba bangwe jang, le gore o ka gola jang mo moweng. Beibele ke lefoko la Modimo mo go rona. Beibele ke bukanakaelo e e botlhokwa ya ditaelo tsa Modimo ya gore re tshele jang matshelo a rona ka tsela e e Mo kgotsofatsang le e e re kgotsafatsang.

4. Nna le dikamano le batho ba ba ka go thusang semowa.

1 Bakorinta 15:33 e re bolelela gore, “Lo se ka la timediwa: ‘Go nna le batho ba ba sa siamang go senya botho jwa motho.’” Beibele e tletse ka dikgalemo tse di ka ga tlhotlheletso e batho “ba ba sa siamang” ba nang le yona mo go rona. Go nna le nako le ba ba dirang ditiro tsa boleo go tla dira gore re raelwe ke ditiro tseo. Botho jwa batho ba re gaufi nabo bo tla “tshasegela” mo go rona. Ke sona se go leng botlhokwa go nna gaufi le batho ba bangwe ba ba ratang Modimo le ba ba itlamileng mo go Ona.

Leka go batla tsala le fa e le tse pedi, ka gongwe go tswa mo kerekeng ya lona, yo o ka go thusang le go go rotloetsa (Bahebera 3:13; 10:24). Kopa ditsala tsa gago go go tshola o na le maikarabelo malebana le nako ya gago ya tidimalo, ditiro tsa gago, le motsamao wa gago le Modimo. Ba botse gore a o ka kgona go ba direla se se ntseng jalo le wena. Se ga se reye gore o tshwanetse go latlha ditsala tsa gago tsotlhe tse di sa itseng Morena Jesu Keresete jaaka Mmoloki wa bona. Tswelela go nna tsala ya bona mme o ba rate. Ba itsise fela gore Jesu o fetotse botshelo jwa gago mme o ka se kgone go dira dilo tsotlhe tse di tshwanang le tse o neng o tlwaetse go di dira. Kopa Modimo go go fa ditšhono tsa go bua le ditsala tsa gago ka ga Jesu.

5. Kolobediwa.

Batho ba le bantsi ga ba tlhaloganye kolobetso. Lefoko “kolobetso” le raya go nwetsa mo metsing. Kolobetso ke tsela ya Beibele ya go goeletsa mo phatlhalatseng tumelo ya gago e ntšhwa mo go Keresete le maitlamo a go mo sala morago. Tiro ya go inwa mo metsing e sedifatsa go bolokiwa le Keresete. Tiro ya go tswa mo metsing e tshwantsha tsogo ya ga Keresete. Go kolobediwa go go tlhaola le loso lwa ga Jesu, phitlho, le tsogo (Baroma 6: 3-4).

Ga se kolobetso e go bolokang. Kolobetso ga e tlhatswe dibe tsa gago. Kolobetso ke fela kgato ya boikokobetso, kgoeletso ya tumelo ya gago mo phatlhalatseng mo go Keresete a le nosi gore o bone poloko. Kolobetso e botlhokwa ka gonne ke kgato ya boikokobetso – go bolela le go tlhomamisa tumelo ya gago mo phatlhalatseng le maitlamo a gago mo go Ena. Fa o ipaakanyeditse go kolobediwa, o tshwanetse go bua le moruti wa gago.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Ke fetsa go baya botshelo jwa me mo go Jesu … jaanong?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries