settings icon
share icon
Potso

Jesu Keresete ke mang?

Karabo


Go se tshwane le potso “A Modimo o teng?” batho ba le bobotlana ba botsa gore a Jesu Keresete o ne a le teng. Go dumelwa ka kakaretso gore Jesu Keresete o ne a tsamaya mo lefatsheng kwa Iseraele dingwaga di le 2000 tse di fetileng. Kgang e e simolotse fa itshupo e e feleltseng ya Jesu e tlotliwa. Ditumelo di le dintsi di ruta gore Jesu e ne e le moporofeta kgotsa moruti kgotsa monna wa Modimo.

C.S. Lewis mo bukeng ya gagwe Mere Christianity o kwetse se se latelang: “Fano ke leka go thibela mongwe le mongwe go bua selo sa boleele se batho gantsi ba ratang go se bua ka ga ene (Jesu Keresete): 'Ke ipaakanyeditse go amogela gore Jesu jaaka moruti yo mogolo wa botho fela e seng gore ke Modimo.' Ke selo se le sengwe se re sa tshwanelang go se bua. Monna yo e neng e le monna fela mme a bua dilo tse Jesu a neng a di bua e ka se nne moruti. E ka nna setsenwa – mo maemong a motho yo o reng en eke lee kgotsa ya nna Satane wa dihele. O tla tshwanelwa ke go itlhophela. Gongwe monna yo e ne e le Morwa wa Modimo kgotsa e le setsenwa kgotsa sengwe go feta. O ka mo didimatsa ka gore ke seleele, wa mo kgwela mathe, wa mmolaya jaak letimona; kgotsa wa wela mo dinaong tsa gagwe mme wa mmitsa Morena le Modimo. Mme fela o seka wa tla ka ditshila tsa gore e ne e le moruti wa batho. Ga a re neele boikgethelo bope. O ne a sa ikaelela go dira jalo.”

Jaanong, Jesu o ne a re ke mang? Bebele yona ua re ke mang? Santlha, tla re lebe mafoko a ga Jesu mo go Johane 10:30, “Nna le Ntate re bangwe.” Ka tebo ya ntlha se se ka nna sa dira gore o nagane gore a re Modimo. Jaanong leba karabo ya Bajuta mo go se a se buang:, “‘Ga re go kgobotletse ka maje gonne o buile tse,’ ga araba Bajuta, ‘ke ka lebaka la tlhapaolo gonne wena monna fela o re o Modimo’” (Johane 10:33). Bajuta ba tlhaloganya polelo ya ga Jesu o kare a re en eke Modimo. Mo ditemaneng tse di latelang, Jesu ga a ke a ba phosolola ka go ba bolelela gore, “Ga ke ise ke re Modimo.” Se supa gore Jesu o ne a re ke Modimo ka nnete fa a re, “Nna le Ntate re bangwe” (Johane 10:30). Johane 8:58 ke sekao se sengwe: “‘Ke tla le bolelela nnete,’ Jesu a araba, ‘pele Aborahama a tswalwa, ke ne ke le!’” Agape ga a araba, Bajuta ba sela maje ka maiteko a go mo kgobotletsa (Johane 8:59). Pegelo ya ga Jesu ya itshupo ya gagwe fa a re “Ke nna” ke tiriso e e tlhamaletseng ya Tesetamente e kgologolo ya leina la Modimo (Ekesoda 3:14). Goreng Bajuta ban e bat la batla go mo kgobotletsa fa a ne a sa bua sengwe se ba dumelang gore ke tlhapaolo, e leng go ipitsa Modimo?

Johane 1:1 a re “Lefoko e ne e le Modimo.” Johane 1:14 a re “Lefoko la nna nama.” Se se bontsha gore Jesu ke Modimo ka namana. Thomase wa morutwa a re go Jesu, “Morena le Modimo wa me” (Johane 20:28). Jesu ga a mo phosolole. Moaposetola Poulo o mo tlhalosa jana, “…Modimo le mopholosi wa rona, Jesu Keresete” (Tito 2:13). Moaposetolla Petoro le ene o bua jalo, “…Modimo le mopholosi wa rona, Jesu Keresete” (2 Petoro; 1:1). Modimo Ntate ke paki ya itshupo e e feletseng ya ga Jesu Keresete, “mme fela ka ga Morwa a re, ‘Mmuso wa gago, Modimo, o tla nnela ruri mme basiami e tla nna baruaboswa ba mmuso wa gago.’” Tesetamente e Kgologolo e porofeta go tla gag a Keresete, “Ka re tsaletswe ngwana, morwa re mo neilwe mme puso e tla nna mo magetleng a gagwe. O tla bidiwa Mogakolodi, Modimo wa matla otlhe, Ntate ka bodsakhutleng, Kgosi ya Kagiso” (Jesaya 9:6).

Jalo, jaaka C.S. Lewis a ngangisa, go dumela gore Jesu ke moruti fela ga se kgetho. Jesu o ne a ipitsa Modimo. Fa e se Modimo, ke moaki, ga se moporofeta, ga se moruti kgotsa monna wa Modimo. Mo maitekong a go tlhalosa mafoko a ga Jesu, baithuti ba matsatsi a ba re Jesu wa hisetori wa nnete ga a ise a bue dilo tse Bebele e di lomaganyang le ene. Re bo mang rona go ngangisana le se e leng lefoko la Modimo ka ga se Jesu a se buileng kgotsa a sa se buang? Moithuti yo o tlileng dingwaga di le 2000 morago ga Jesu a ka nna le kitso ya gore Jesu o riling go ba a neng a tshela le bona le gore ga a a reng mo go bona, ka a ne a ba ruta ka boena (Johane 14:26)?

Goreng potso ta itshupo ya nnete ya ga Jesu e le botlhokwa jana? Goreng go le botlhokwa gore a Jesu ke Modimo kgotsa nnya? Lebaka la botlhokwa ke gore fa e le gore Jesu ga se Modimo, go raya gore loso lwa gagwe go re swela dibe mo lefatsheng lotlhe ga le a lekana (1 Johane 2:2). Ke Modimo fela a neng a ka duela kotlhao e e senang bokhutlo e (Baroma 5:8; 2 Bakorinthe 5:21). Jesu o ne a tshwanetse go nna Modimo go re swela dibe. Jesu o ne a tshwanetse go nna motho go re swela. Poloko e teng fela ka tumelo go Jesu Keresete. Tlholego ya gagwe ke yona fela tsela ya poloko. Ke sona se a neng are, “Ke nna tsela le nnete le bophelo. Ga go ope yo o tla yang kwa go Ntate fa e se ka nna” (Johane 14:6).

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Jesu Keresete ke mang?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries