settings icon
share icon
Potso

Ke tumelo efe e e ntshiametseng?

Karabo


Mafelo a go rekisetswang dijo tsa potlako ba re ngoka ka go re rekisetsa dijo tse apeilweng go re kgatlhisa. Mafelo ao go rekisiwang kofi ba ikgantsha ka mefutafuta ya dikofi tsa bone. Lefa re reka dintlo kgotsa dijanaga, re fiwa tshono ya go ikgethela tseo re di ratang. Re tshela mo nakong e go nang le mefutafuta ya dilo tseo re ka itlhopelang mo go tsone. O kgona go itlhopela sengwe le sengwe go ya ka mokgwa o wena o o ratang.

Ka tsa tumelo re a reng? O reng ka tumelao e e senang melawana ya go kgoreletsa, eo e sa batleng sepe go tswa mo go wena, e go itirelwang jaaka go ratwa? A e teng tumelo e e ntseng jalo? A tumelo re ka e tlhopa jaaka re dira ka dimonamone?

Go na le ditumelo tse di goeletsang go re di utlwale, ka jalo, ke eng re thswanetse go lebelelela Jesu Keresete kwa godimo ga Muhammad, Confucius, Buddha, le Charles Taze Russell, kgotsa Joseph Smith? A ditumelo tsotlhe ga di re ise Legodimong? A ditumelo tsotlhe ga di tshwane? Nnete ke gore ditumelo tsotlhe ga di re ise kwa Legodimong, jaaka ditsela tsotlhe di sa re ise kwa Indiana.

Keresete Jesu ke ena a nnosi yo o buang ka thata eo a e neilweng ke Modimo gonne ke ena a nnosi yo o fentseng lefu. Muhammad, Confucius, le ba bangwe ba ba boletse mo mabitleng a bona le go fitlha gompieno. Jesu Keresete ena, ka thata ya gagwe, o ne a tswa mo libitleng matsatsi a le mararo morago ga go swa loso lo lo setlhogo mo diatleng tsa Baroma. Mongwe le mongwe yo o nang le thata ya go fenya loso o tshwanetswe ke go newa tlotlo. Mongwe le mongwe yo o nang le thata ya go fenya loso o tshwanetswe ke go reetswa.

Bopaki jwa gore Keresete o tsogile mo baswing ga bo kake ba fitlhega. Santlha, o bonwe ke batho ba ba fetang 500 ka matlho a bona! Re ka se ka ra ikgatholosa bopaki jwa batho ba feta 500. Gape, lebitla la gagwe le fitlhetswe lelo loleya. Fa a kabo a sa tsoga, baganetsi ba gagwe ba kabo ba tlisitse setopo sa gagwe go ganetsa bao ba reng ga tsoga, fela setopo se ne se se yo gonne a tsogile. A gongwe barutiwa ba gagwe ba ne ba utswile setopo sa gagwe? Nyaaya! Libitla la gagwe le ne le tlokometswe ke masole a a katisitsweng sentle. Le gona, barutiwa ba ga Keresete, bao bontsi jwa bone e neng e le batshwari ba ditlhapi, ba ne ba kake ba leka go tsaya setopo sa gagwe fa pele ga masole a a katisitsweng. Gape, ba ne le mo letshogong le legolo, gonne fa Keresete a tshwarwa ke masole pele ba tla mmolaya, ba ne ba tsaba ba tlogela Jesu mo diatleng tsa batlhabani. Se, se bontsha gore ga gona tsela eo re ka reng Keresete ga a tsoga mo baswing!

Ke boeletsa gore, mongwe le mongwe yo o nang le thata go fenya loso, o thswanetse go reetswa. Jesu Keresete o re bontshitse gore o thata go na le loso, ka jalo, re thswanetse go reetsa seo o se buang. Jesu Keresete o re ke yena fela tsela e e isang pholosong (Johane 14:6). Ga se ena tselana, ga se nngwe ya ditselana. Ke ene tsela a nnosi.

Ene Jesu yoo o bua are, “Tlaang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang; nna ke tla lo lapolosa” (Matheo 18:11). Mo lefatsheng go mathata a mantsi. Bontsi jwa rona re kgopisitswe, re utlisitswe pelobotlhoko, re rotha madi. A ga se nnete? Wena o batla eng? Go fodisiwa kgotsa bodumedi jo bo sa go direleng sepe? A o batla Mopholosi yo o tshelang kgotsa mongwe wa baporofeta ba ba suleng? A o batla botsalano jo bo nang le bokao kgotsa meetlo e e loleya? Jesu Keresete ga se fela yo o tlhopiwang – ke ena fela yo o tlhopegang.

Jesu Keresete ke ene “tumelo” ya boammaruri fa o batla boitshwarelo (Ditiro 10:43). Jesu Keresete ke ene “tumelo” ya boammaruri fa o batla botsalano jwa nnete le Modimo (Johane 10:10). Jesu Keresete ke ene “tumelo” ya boammaruri fa o batla legae la bosakhutlheng kwa Legodimong (Johane 3:16). Baya tsholofelo ya gago mo go Jesu Keresete gore o nne Mopholosi wa gago o ka se itshole! Baya tsholofelo ya gago mo boitshwarelong jwa gagwe o ka se tlhabisiwe ditlhong.

Fa o batla botsalano jo bo siameng le Modimo, thapelo e e bobebe e a latela. Gopola gore ga o pholosiwe ke go rapela thapelo e, kgotsa thapelo efe kapa efe. O pholosiwa mo boleong ke fa o dumela mo go Keresete Jesu. Thapelo e, ke mokgwa wa go bontsha tumelo mo Modimong le go mo leboga ka gore naya pholoso. “Rara, ke a itse gore ke leofile kgatlhanong le wena mme ke thswanetse ke kotlhao. Fela, Jesu Keresete o tsere kotlhao e e neng e ntibile gore fa ke dumela mo go ene ke itshwarelwe boleo. Ke solofetse mo go wena gore o mpholose. Ke a go leboga ka nntata ya boutlwelobotlhoko jwa gago le boitshwarelo, e leng mpho ya botshelo jo bo sa khutlheng! Amen.

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Ke tumelo efe e e ntshiametseng?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries