settings icon
share icon
Potso

Nka siamisa jang kgolagano ya me le Modimo?

Karabo


Fa re rata go “siamisa” le Modimo, re tshwanetse ra tlhaloganya gore go senyegile kae. “ba fapogile botlhe, ba senyega mmogo. Ga go ope yo o dirang molelmo, le eseng a le mongwe fela” (Dipesalome 14:3). Rotlhe re fapogile mo tseleng ya Modimo, “Rona rotlhe re ne re timetse jaaka dinku” (Jesaya 53:6).

Maswabi ke gore tuelo ya boleo ke loso. “... mowa oo leofang ke one o o tla swang” (Hesekiele 8:4). Dikgang tse di monate ke gore Modimo o a re batla gonne o re lokiseditse pholoso. Keresete o tlhalositse fa morero wa gagwe mo lefatsheng e le go “batla le go pholosa se se latlhegileng” (Luke 19:10), wa bua gape a le mo sefafanong gore “go weditswe!” (Johane 19:30).

Fa re rata go nna le kgolagano e ntle le Modimo re thswanetse ke go simolola go dumela gore re leofile. Se se latelang e thswanetse go nna boipobolo jwa maleo go Modimo ka boikokobetso (Jesaya 57:15) le maikaelelo a go se tlhole re leofa gape. “Gonne go dumela ka pelo go isa motho tshiamong; go ipolela ka molomo go isa pholosong” (Baroma 10:10).

Go sokologa go thswanetse ga kopanngwa le tumelo – tumelo ya gore loso lwa setlhabelo la ga Keresete le tsogo ya gagwe mo baswing, di mo naya tetla ya gonna Mopholosi wa rona. “Gonne fa o ipolele ka molomo ore Jesu ke Morena, o dumela gore Modimo o mo tsositse mo baswing, o tla pholosiwa” (Baroma 10:9). Dikwalo di le dintsi di bua ka ga botlhokwa jwa go nna le tumelo, jaaka Johane 20:27; Ditiro 16:31; Bagalatia 2:16; 3:11&26; le Baefeso 2:8.

Go siamisiwa fa pele ga Modimo go amana le gore o a reng ka seo Modimo o se dirileng go go pholosa. Modimo o rometse Mopholosi, a neela ka setlhabelo sa go tlosa maleo a rona (Johane 1:29), o bile a re naya gape tshepiso, “mongwe le mongwe yo o bitsang ina ja Morena o tla pholoswa’ (Ditiro 2:21).

Setshwantsho se sentle sa tshokologo le boitshwarelo ke sa morwa yo o botlhaswa (Luka 15:11-32). Morwa yo o mmotlana o ne a senya khumo e a e filweng ke rragwe ka boleo jwa matlhabisa ditlhong (temana ya 13). Fa a sena go ikwatlhaya, o ne a fetsa le megopolo wa gagwe gore o boela gae (temana ya 18). O ne a ipolelela mo mogoplong wa gagwe gore ga a sa tlhola a tshwanelwa ke go nna morwa wa ga rragwe (temana ya 19), mme o ne a fositse. Rragwe o ne a mo itumelela le go mo rata go gaisa le pele gonne a ne boetse gae (temana ya 20). O ne a tshwarelwa maleo otlhe, mme a direlwa mokete (temana ya 24). Modimo o dirafatsa ditsholofetso tsa one, ee, tota le tsholofetso ya go re itshwarela. “Modimo o gaufi le ba ba dipelo di thubegileng, o pholosa ba ba mewa e e kgobegileng (Dipesalome 34:19).

Fa o rata go siamisa kgolagano ya gago le Modimo, go thapelo e e bofefo thata eo re ka e rapelang. Gopola gore ga o pholosiwe ke go rapela thapelo e, kgotsa thapelo efe kapa efe. O pholosiwa mo boleong ke fa o dumela mo go Keresete Jesu. Thapelo e, ke mokgwa wa go bontsha tumelo mo Modimong le go mo leboga ka gore naya pholoso. “Rara, ke a itse gore ke leofile kgatlhanong le wena mme ke thswanetse ke kotlhao. Fela, Jesu Keresete o tsere kotlhao e e neng e ntibile gore fa ke dumela mo go ene ke itshwarelwe boleo. Ke solofetse mo go wena gore o mpholose. Ke a go leboga ka nntata ya boutlwelobotlhoko jwa gago le boitshwarelo, e leng mpho ya botshelo jo bo sa khutlheng! Amen.

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Nka siamisa jang kgolagano ya me le Modimo?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries