settings icon
share icon
Potso

Leano la poloko ke eng / tsela ya poloko?

Karabo


A o tshwerwe ke tlala? E seng tlala ya senama, mme o a na le tlala ya sengwe se se fetang botshelo? A go na le sengwe mo teng ga gago se e keteng ga se nke se kgotsofala? Fa go le jalo, Jesu ke tsela! Jesu a re, “ Ke nna senkgwe sa botshelo. Yo o tlang mo go nna ga a ne a nna le tlala mme yo o dumelang mo go nna ga a ne a nna le lenyora” (Johane 6:35).

A o akabetse? A e kete ga o bone tsela kgotsa maikaelelo mo botshelong? A e kete mongwe o timile dipone mme jaanong ga o bone kwa o ka di tshubang teng? Fa go le jalo, Jesu ke tsela! Jesu o goeleditse a re, “Ke nna lesedi la lefatshe. Yo o ntshalang morago ga a kitla a tsamaya mo lefifing, mme o tla nna le lesedi la botshelo” (Johane 8:12).

A o a tle o ikutlwe e kete o tswaletswe kwa ntle mo botshelong jwa gago? A o lekile dikgoro tse dintsi, mme o lemoga fela gore mo morago ga tsona go lolea le go tlhoka bokao? Fa go le jalo, Jesu ke tsela! Jesu o boletse a re, “Ke nna kgoro, yo o tsenang ka nna o tla bolokiwa. O tla tsena a bo a tswa, mme a bone mafulo” (Johane 10:9).

A batho ba bangwe ba a go swabisa ka gale? A dikamano tsa gago le batho di a tlhaela le go nna lolea? A e kete mongwe le mongwe o leka go go dirisa gore e nne bona ba ungwang? Fa go le jalo, Jesu ke tsela! Jesu a re, “Ke modisa yo o molemo. Modisa yo o molemo o beela dinku tsa gagwe. Ke modisa yo o molemo; ke itse dinku tsa me mme le dinku tsa me di a nkitse” (Johane 10:11, 14).

A o makadiwa ke se se diragalang morago ga botshelo jo? A o lapisitswe ke go tshelela botshelo jwa gago dilo tse di bolang kgotsa tse di rusang? A ka dinako tse dingwe o belaela gore a mme botshelo bo na le bokao? A o batla go tshela morago ga go swa? Fa go le jalo, Jesu ke tsela! “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o dumelang o tla tshela, mme le fa a swa; mme yo o tshelang le go dumela mo go nna ga a kitla a swa” (Johane 11:25-26).

Tsela ke eng? Nnete ke eng? Botshelo ke eng? Jesu a re, “Ke nna tsela le nnete le botshelo. Ga go yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna” (Johane 14:6).

Tlala e o e utlwang ke tlala ya semowa, mme o ka kgorisiwa fela ke Jesu. Jesu ke ena fela yo o ka tsholetsang lefifi. Jesu ke kgoro ya botshelo jo bo kgotsofatsang. Jesu ke tsala le modisa yo o ntseng o mmatla. Jesu ke botshelo – mo lefatsheng le le le le tlang. Jesu ke tsela ya poloko!

Lebaka le o utlwang o tshwerwe ke tlala, lebaka le e keteng o timetse mo lefifing, lebaka le o sa kgoneng go bona bokao mo botshelong jwa gago, ke gore o kgaogane le Modimo. Beibele e re bolelela gore re leofile rotlhe, mme ka ga jalo re ikgaogantse le Modimo. (Moreri 7:20; Baroma 3:23). Go nna lolea go o go utlwang mo pelong ya gago ke gore Modimo o a tlhaela mo botshelong jwa gago. Ka ntlha ya boleo, re kgaogane le kamano eo. Se se maswe le go feta ke gore boleo jwa rona bo tla tlhola gore re kgaogane le Modimo go ya bosakhutlheng, mo botshelong jo le jo bo tlang (Baroma 6:23; Johane 3:36).

Re ka rarabolola jang bothata jo? Jesu ke tsela! Jesu o jere dibe tsa rona (2 Bakorinta 5:21). Jesu o re swetse (Baroma 5:8), a bona kotlhao e e tshwanetseng rona. Morago ga malatsi a le mararo, Jesu o ne a tsoga mo baswing, a netefatsa phenyo ya gagwe ya boleo le loso (Baroma 6:4-5). Ke goreng a ne a dira seno? Jesu o arabile potso eo ka boena: “Ga go na lorato lo logolo go feta lo, lwa gore o swetse ditsala tsa gagwe” (Johane 15:21), Jesu o sule gore re bone botshelo. Fa re baya ditumelo tsa rona mo go Jesu, re dumela gore loso lwa gagwe ke tuelo ya dibe tsa rona, dibe tsa rona tsotlhe di itshwaretswe le go tlhatswiwa. Re tla nna kgorisiwa semowa. Dipone tsa rona di tla tshubiwa. Re tla kgona go fitlhelela botshelo jo bo tletseng. Re tla itse tsala ya rona ya mannete le modisa yo o molemo. Re tla itse gore re tla nna le botshelo morago ga go swa – botshelo jwa tsogo kwa legodimong ka bosakhutlheng le Jesu!

“Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o le neileng Morwae a le esi, gore yo o dumelang mo go ena a se ka a swa mme a nne le botshelo jo bosakhutlheng” (Johane 3:16).

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Leano la poloko ke eng / tsela ya poloko?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries