settings icon
share icon
Potso

A Beibele e tota e le lefoko ja Modimo?

Karabo


Karabo ya rona e tlile go fetola tsela eo re bonang botlhokwa jwa Beibele ka gone le botlhokwa jwa yone mo matshelong a rona gape Beibele e tlile go nna le thotloetso e e sa khutlheng mo go rona. Fa ele gore Beibele ke lefoko la Modimo ka nnete, re tshwanelwa ke go e itumelela, re e buise, re dire jaaka e re laela, e bile re e thsepe. Fa Beibele e le lefoko lwa Modimo, go e ikgatholosa ke go ikgatholosa Modimo ka sebele.

Sesupo sa lorato lwa Modimo mo go rona ke fa a kile a re neela Beibele. Tshenolo e rang gore Modimo o itlhagisitse mo bathong ka tsela e o leng ka yona gore re tle re kgone gonna le kgolaganyo e esiameng le one. Go dilo di le dintsi tota tseo re ka bong re sa di itsi ka ga Modimo fa o kabo o sa re senolela tsone mo Beibeleng. Lefa Modimo o ne o itshenolela batho mo beibeleng ka bonya mo dingwageng di ka nna 1500, Beibele e na le sengwe le sengwe seo motho o tlhokang go se itse fa a rata go tshela Modimo ka tlhomamo. Fa e le seo Biebele ke lefoko ja Modimo ka nnete, e thswanetse go nna e e atlholang dilo tsotlhe kaga tumelo, bodumedi, le botshelo jo bo amogelesegang.

Re ka ipotsa gore: ke go reng Beibele e tlotlega go gaisa dibuka tsotlhe tse di kwadilweng ka ga ditumelo tse farologaneng? Re ka netefatsa jang gore Beibele ga se fela buka e e siameng ke lefoko la Modimo? A gona le bopaki jo bo netefatsang gore Beibele ke lefoko ja Modidmo .Tse ke dipotso tseo re tshwanetseng go di sekaseka fa re rata go tlhotlhomisa fa Beibele e le lefoko ja Modimo leo re le neilweng, leo le lekaneng go laola merero yotlhe ya tumelo le botshelo jo bo amogelesegang.

Go mo pepeneneng gore Beibele e re netefaletsa fa e le lefoko ja Modimo tota. Seo, se bonagala sentle fa moapostolo Paulo o bua le Timotheo: “... le ka Dikwalo tse di boitshepo o sa le o di itsi go tswa bonyaneng jwa gago, tse di nonofileng go go tlhalefisetsa phologo ka go dumela mo go Keresete Jesu. Lokwalo longwe le longwe, lo lo kwadilweng Ka tlhotlheletso ya Modimo le molemo go ruta le go kgalemela le go sokolola le go godisa mo tshiamong, gore motho wa Modimo a nne boitikanelo , e ne yo o etleetsegetseng tiro nngwe le ngwe e siameng ka botlalo. (II Timotheo 3 :15-17).

Go dilo tse di kwa ntle le tse di ka fa gare , tseo di re netefaletsang gore Beibele tse lefoko ja Modimo tota. Tse di ka fa ntle ke tseo re di bonang ka matlho, tseo go kwadilweng mo Beibeleng gore di tlhodilwe ke Modimo . Tse di kafa gare ke bopaki jo bo buang ka ga tsela eo Beibele e tlileng ka teng . Bopaki jwa ntlha jwa ka fa gare ga Beibele ke tumellano ya dikwalo tshotlhe. Dibuka tsa Beibele tsotlhe di 66, di kwaletswe kwa dikontinenteng dile 3 tse farologaneng , di kwadile ka maleme a le mararo mo tsamao ya nakong ya dingwaga dile 1500 ke bakwadi ba ka nna 40 ba ba farologaneng. Lefa go ntse jalo Beibele e na le molaetsa o le mongwe o o tswelelang go tswa tshimologong ya one go ya bokhutlhong, ga oikganetseng. Tumellano ya dikwalo tsotlhe tsa Beibele e itlhopileng mo dibukeng tsotlhe tse di leng gone , seo ke sesupo sa gore Modimo a laela bakwadi gore ba a kwale jaaka a ba boleletsa.

Sangwe sa disupi tsa ka fa gare tseo di bontshang gore Beibele ke lefoko ja Modomo ke mantswe a diporofiti tseo di buang ka bokamoso jwa ditshaba tse di rileng go akaretsa le Israele, bokamoso jwa ditoropo le dinga tse di rileng, bokamoso jwa batho botlhe le go tla ga Ene yo o tla bidiwang mopholosi, eseng wa Israele a nnosi , mme wa batho botlhe ba ba dumelang mo one. Diporifeto tse di kwadilweng mo Beibeleng di kwadile ka botlalo e bile ga di akatsa retelefala ke go diragala jaaka tse di fitlhelwang mo dibukeng tsa ditumelo di sele tseo di sa ngwadiwang ka botlalo, le tseo di ngwadilweng ke Nostradamus. Go diporofeto di feta 300 tse di buang ka go tla ga Keresete a tla tsalelwang teng, lotso lwa gagwe,tsela eo o tla swang ka yona, le gore o tla tsoga ka tsatsi lwa boraro. Go go tsela eo re ka tlhalosang diporofeto tsotlhe tseo di setseng di diragetse fa ese fela gore ke tiro tsa Modimo. Ga go buka epe ya sedumedi eo e nang le boporofeta ba ponelopele e e nepagetseng jaaka Beibele.

Sesupu sa boraro sa gore Beibele e tswa go Modimo ke maatla ao dikwalo tse di mo Beibeleng di nang le one. Go matshelo a le mantis ao a fetotsweng ke maatla a Modimo a a fitlhelwang mo beibeleng. Go ba le bontsi jwa batho ba e neng e le makgoba a diritibatsi , bao ba fodisitsweng ke maatla a lefoko mo Beibeleng . Go na le basodoma ba bantsi bao ba golotsweng mo medirong e ebosula e o. Go batho ba le bantsi ba ba neng ba tlhobogile bao ba fetotsweng ke maatla a lefoko la Beibele. Go dirukhutlhi le disinyi, badiradibie bao ba neng ba kgalemelwa ke lefoko la maatla la Beibele, letlhoo la fetolwa gonna lerato go bao ba buisitseng Beibele . Beibele e na le maatla a magolo a go fetola matshelo a batho gonne ammaaruri ke lefoko la Modimo.

Go na gape le bopaki jo bo bontshang gore Beibele ke lefoko ja Modimo. E ngwe ya dilo tseo ke bopaki jwa ditiragalo. Beibele e bua ka ga ditiragalo tsa mengwaga. Boammaaruri jwa yone le go nepagala gwa yone go kgona go bapiswa le dibuka tsa ditiragalo . Ditlhotlhomiso tsa baepamatlotlo le dikwalo dingwe , le ditiragalo di nnile bopaki jobo tletseng gore Beibele ke buka ya boammaruri. Bopaki ba baepamatlotlo le dikwalo tsa bogologolo ke sesupo sa gore Beibele ke ditiragalo tsa bogologolo tseo di kwadilweng ka nepagalo. Ka baka la go nepagalo le boammaruri jwa tse di kwadileng mo Beibeleng fa di bapisiwa le ditiragalo goya ka ditiragalo , boikanyego jwa yone bo a re thusa fare tsena mo dilo tsa tumelo ,thuto ya sedumedi , le go bua ka go netefatsa gore Beibele ke lefoko ja Modidmo.

Bopaki jo bongwe jo bo supang gore Beibele ke lefoko ja Modimo ke jwa go ikanyega ga batho ba ba kwadileng makwalo. Jaaka re kaile mo tshimologong , Modimo o dirisitse batho ba ba farologaneng gore kwalela ja gagwe Fa re sekaseka matshelo a bakwadi ba Beibele , re fitlhela gore ke batho ba tshepagalang le ba ba ikanyegang tota. Bontsi jwa bone ba ne ba neela ka matshelo a bone gore ba bolawe ka ntata ya tumelo ya bone. Fa re labella boineelo jwa bone gore ba bolawe ka setlhogo , re fitlhela gore ke Modimo ka sebele yo o ba romileng go kwala.Bakwadi ba Tastemente e ntsha , le bontsi jwa badumedi (I Bakorinthe 15:6) ba ne ba itsi nepagalo ya molaetsa wa bone gonne ba ne ba kile ba nna le Jesu Keresete pele a bolawa, le morago fa a sena go tsoga mo boswing . Go bona Morena a tsoga mo buswing go dirile gore tumelo ya bone e nne e esa sisinyegang le matshelo a bone a fetoge a bona a fetoge .Ga ba ake ba iphitlha lefa ba ne ba bolawa kgotsa ba ka bolawa , fela ba ne ba bua molaetsa wa Modimo ba sa boife . Matshelo a bone a paka go Beibele ke lefoko ja Modimo ka nnete.

Bopaki jo re garelang ka jone ke gore Beibele ke Lefoko ja Modimo ke jwa gore batho bao ba neng ba leka go fedisa Beibele ba reteletswe botlhe. Beibele e ile ya tlhaselwa go feta dibuka tsotlhe tse di kileng tsa nna teng gonne e kaya fa e le Lefoko ja Modimo. Go tloga mo pusong ya bogologolo ya Roma, banna ba tshwana le Diocletian, goya go babusaesi ba Makomonese, le baganetsi ba Modimo ba gompieno, Beibele e kgotleletse dilo tsotlhe e bile e santse e buisiwa le gompieno fela bontsi jwa baganetsi ba yona ga ba sa tshela. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Beibele e sa ntse ele buka e e buisiwang go gaisa dibuka tsotlhe mo lefatsheng.

Mo tsamaong ya nako, bao ba belaelang bonnete jwa Beibele ba kile ba e kaya jaaka buka ya dinolwane, fela baepamatlotlo ba e fitlhetse gore e bua ditiragalo tsa nnete. Baeganetsi ba ne ba re thuto ya Beibele ke ya bogologolo e bile ga ena bokao, fela dithuto tsa yona di kgontsha batho ba lefatshe ka bophara go nna le maitshwaro a mantle mo merafeng yotlhe e ba leng mo go yona. Bonetetse, Polotiki, le batho ba ba ikayang ba le botlhale, ba ganetsa Beibele, mme fela Beibele e sala e ntse e na le bokao gompieno jaaka nako eo e kwadilweng ka yona. Beibele e fetotse matshelo a batho ba le bantsi tota le meetlo ya merafe e le mmintsi mo tsamaong ya dingwaga di feta 2000. Lefa bantsi ba sotla ka Beibele, ba e nyenyefatsa, e santse e tsepame, e le boammaruri jaaka e ne e le kwa tshimologong ya yone. Ka gonne Beibele ga ya ka ya latlhegelwa ke boleng, tlhomamo, le boaammaruri jwa yone le mororo baeganetsi ba lekile ka bojotlhe go e nyeletsa, ke sesupo se se feletseng sa gore Beibele ke Lefoko ja Modimo. Modimo ka sebele ke ene yo o sireleditseng Beibele gore e seke ya nyelela. Keresete o ne a bue are, “Legodimo le lefatshe di tla feta, fela mafoko a me ga a kitla a fela” (Mareka 13:31). Morago ga bopaki jotlhe jo re bo utlwileng, re ka bua kwa ntle le pelaelo epe gore Beibele ke lefoko ja Modimo tota.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

A Beibele e tota e le lefoko ja Modimo?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries