settings icon
share icon
Potso

O na le botshelo jo bo sa khutleng?

Karabo


Bebele e tlhagisa sentle tsela ya botshelo jo bo sa khutleng. Santlha, re tshwanetse go lemoga gore re badiradibe: "Ke dirile dibe mme ka tlhaelwa ke phatsimo ya Modimo" (Baroma3:23). ROtlhe re dirile dilo tse di sa itumediseng Modimo mme re tshwanelwa ke kotlhao. Kotlhao e e sa khutleng ke yona e e re tshwanetseng ka fa re leofetse MKodimo yo o nnetseng ruri. "Tuelo ya boleo ke loso, mme mpho ya Modimo ke botshelo jo bo sa feleng ka Jesu Keresete Morena wa rona" (Baroma 6:23).

Jalo, Jesu Keresete yo o senang dibe (1 Petoro 2:22), morwa wa Modimo a nna monna (Johane 1:1,14) mme a re swela dibe tsa rona. "Modimo o bontsha lerato lwa gagwe mo go rona: fa re ntse re le badiradibe, Keresete o re swetse" (Baroma 5:8). Jesu Keresete o re swetse sefapanong (Johane 19:31-42), go tsaya kotlhao e e neng e re tshwanetse (2 Bakoeinte 5:21). Mme a tsoga mo baswing ka letsatsi la boraro (1 Bakorinte 15:1-4), a bontsha phnyo ya gagwe mo losong. "Ka mohau wa gagwe o mogolo o re neela botshelo jo bo boša jwa go tshela ka tshepo ya tsogo ya Jesu Keresete mo baswing" (1 Petoro 1:3).

Ka tumelo, re tshwanetse go fetola monagano wa rona ka Keresete – yo o leng, se a se dirileng, le gore goreng – ka poloko (Ditiro3:19). Fa re baya tumelo ya rona mo go ena, re tshepa gore loso lwa gagwe mo sefapanong le tlhatswitse dibe tsa rona, re tla itshwarelwa mme re bone tshepiso ya botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong. "Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa le neela morwao yo o tsetsweng a le nosi gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a seka a swa, mme a nne le botshelo jo bo sa feleng" (Johane 3:16). "fa o bua ka molomo wa gago gore, 'Jesu ke Morena,' mme o dumela ka pelo gore Modimo o mo tsositse mo baswing, o tla bolokwa" (Baroma 10:9). Tumelo e le yosi mo tirong e e feditsweng ya Keresete mo sefapanong ke yona fela tsela ya nnete ya botshelo jo bo sa khutleng! "ke ka lebaka la mohau wa gagwe re bolokilwe, ka tumelo mme e seng go tswa mo go rona, e leng mpho ya Modimo – e seng ka ditiro tsa rona, jalo a ope a se ipele" (Baefeso 2:8-9).

Fa o batla go amogela Jesu Keresete jaaka Mopholosi, thapelo ke. Gopola go bua thapelo e kgotsa thapelo nngwe fela go ka se bolok. Ke fela fa o tshepa mo go Keresete gore o tla go boloka mo dibeng. Thapelo e ke ke tsela ya go bolelela Modimo tshepo ya gago mo go ene le go mo leboga go bo a go bolokile. "Modimo, ke a its eke modiradibe mm eke tshwanelwa ke katlholo. Mee fela Jesu Keresete o tsere katlholo e e neng e ntshwanetse gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a itshwarelwe. Ke baya tshepo ya me mo go wena go bolokega. Ke lebogela mohau wa gago le itshwarelo ya dibe – mpho ya botshelo jo bo sa khutleng! Amen!"

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

O na le botshelo jo bo sa khutleng?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries