settings icon
share icon
Potso

Botshelo bo kaya eng?

Karabo


Botshelo bo kaya eng? Nka fitlhela jang bokao le botlalo, le go kgotsofala mo bophelong? A nka kgona go fitlhelela sengwe se se nang le boleng jwa leruri? Batho ba le bantsi ga ba nke ba tsaya nako go lebelela dipotso tse di botlhokwa tse. Ba lebelelwa kwa morago go fitlhela gore lefa ba bone tseo ba neng ba di ikaeleletse, ga ba na boitumelo mo moweng, gape ba fitlhela gore ba latlhegetswe ke ditsala le balekane. Mongwe wa batshamiki ba baseball o ile a fitlhelela “The Hall Of Fame” mme a botswa gore ke eng se a eletsang e kete o kabo a ne a se bolelletswe fa a simolola go tshameka motshameko o. O ne a araba ka gore, “e kete mongwe a kabo a mpolelletse gore fa o fitlha kwa godimo itse gore ga go sepe koo.” Diphitlhelelo tsa bontsi e nna matsapa a bo phiri fa ba sena go fetsa mengwaga e le mintsi re di setse morago.

Mo botshelo jo, batho ba le bantsi ba kgaratlhela go fitlhelela dilo di le dintsi ba ithaya ba re ba tla fitlhela bokao jwa nnete jwa botshelo mo go tsone. Dingwe tsa dilo tseo re di kgaratlhelang ke dikgwebo, khumo, botsalono jo bontle, thobalano, go ithabisa, le go direla ba bangwe molemo. Batho ba re netefaleditse gore le fa ba kgone go fitlhella di maitlhomo a bona a khumo, botsalano, go ithabisa, le tse dingwe, go sala go ntse go le patlha e e loleya mo meweng ya bone. Mokwadi wa buka ya Moreri o tlhalosa maikutlo fa a ne a re, “A boithamako jwa maithamako! ... A boithamako jwa maithamako! Dilo tsotlhe ke maithamako (Moreri 1:2). Kgosi Solomon, mokwadi wa buka ya Moreri, o ne a na le khumo e e sa balegeng, botlhale jo bo fitisang jwa batho botlhe ba nako ya gagwe, basadi ba ba fetang lekgolo, matlo a segosi le ditshingwana tseo di nneng di elediwa ke babusi ba le bantsi, moveine le dijo tsa maemo a a kwa godimo, le sengwe le sengwe se se neng se ka mo itumedisa. Mo bukeng ya gagwe o bua gore sengwe le sengwe seo pelo ya gagwe e neng e se batla o ne a se fitlhela. Fa a sobokanya seo botshelo e leng sona o re, “Dilo tsotlhe ke maithamako”. Ke ka ntata ya eng fa go le phatlha e e sa thibegeng e? Gonne Modimo o re tlholetse tse di fetang botshelo jo re bo bonang gompieno. Solomon o re ka ga Modimo, “O tsentse bosakhutlheng mo pelong tsa tsa batho”..... (Moreri 3:11). Mo dipelo tsa rona re a itse gore botshelo ga bo felele gompieno.

Mo bukeng ya ntlha ya Beibele re bona gore Modimo o tlhodile motho mo setshwanong sa gagwe (Genesi 1:26). Se se raya gore re tshwane thata le Modimo go gaisa go tshwane le sengwe se sele. Re lemoga gore pele motho a leofa, pele khutso ya boleo e fitlha lefatsheng, dilo tse di latelang e ne e le boammaruri: (1) Modimo o dirile motho gore a nne le botsalano le batho ba bangwe (Genesi 2:18-25); (2) Modimo o neetse motho tiro (Genesi 2:15); (3) Modimo o ne a na le botsalano le motho (Genesi 3:8); (4) Modimo o ne o beile dilo tsotlhe ka fa tlase ga taolo ya motho (Genesi 1:26). Se se botlhokwa ke eng ka dilo tse? Modimo o re neetse dilo tse gore di tlaleletse ditlhologelelo tsa rona mo botshelong, mme tsotlhe tse (segolo setonna tlhologelelo ya go nna le botsalano le Modimo) di ile tsa senngwa tota fa motho o sena go wela mo boleong, mme lefatshe la hutsiwa (Genesi 3).

Mo bukeng ya Tshenolo, buka ya bofelo ya Beibele, Modimo o re itsise gore lefatshe la gompieno le legodimo la gompieno di tlile go fedisiwa , mme go tla tlisiwa legodimo le lentsha le lefatshe le lentsha (tseo di tla nnang ka bosakhutlheng). Ka nako eo, Modimo o tlile go siamisisa kgolagano ya gagwe le batho ba ba tla bong ba rekolotswe, mme baleofi bona ba tla atlholwa mme ba latlhelwe mo letsheng la molelo (Tshenolo 20:11-15). Khutso ya boleo e tla bo e tlositswe, go tla bo go sa tlhole gole boleo, kutlobotlhoko, bolwetse, loso, botlhoko, le tse dingwe (Tshenolo 21:4), mme bodumedi ba tlo amogedisiwa dilo tsotlhe. Modimo o tla nna mo go bone, mme bone e tla nna brwa ba gagwe (Tshenolo 21:7). Ka moo ge, re iphitlhela re le kwa re simolotseng gone - Modimo o re tlhodile gore re nne le botsalano le ene; motho a dira boleo, botsalano ba senyega; Modimo o siamisa botsalano gape le bao ba rekolotsweng, bao ba itshupileng ba tshwanelwa. Fa motho o ka tshela mo lefatsheng, wa kgobokanya tsotlhe tseo o di batlang mme ka tsatsi la bofelo wa latlhelwa diheleng, botshelo joo bo ka bo e le tshenyo ya nako le matlhotlhapelo a magologolo. Modimo o dirile tsela ya gore re nne le ene ka bosakhutlheng (Luka 23:43), mme gape le gore botshelo mo lefatsheng le, bo nne jo bo itumedisang, jo bo kgotsofatsang. Re ka fitlha jang kwa paradeising, re ka tshela jang ka botlalo mo lefatsheng.

BOTSHELO JO BO SIAMISITSWENG KA KERESETE JESU

Bokao jwa nnete jwa botshelo, jaanong le ka bosenabukhutlo, di bonwa fa botsalano magareng ga Modimo le batho di siamisiwa morago ga gore Atama le Efa ba leofe, ba wele mo boleong. Gompieno, botsalano jo bo siameng le Modimo re di bona Morwa one e leng Jesu Keresete (Ditiro 4:12; Johane 14:6; Johane 1:12). Botshelo jo bo sa khutlheng bo fitlhelwa fa motho o ikwatlhela boleo (o sa tlhole o batla go dira boleo mme o kopa Keresete gore a go fetole a go ntshafatse) mme o simolola go solofela mo go jesu Keresete gore a go pholose (lebelela potso “tsela ya pholoso ke efe?”)

Bokao jwa nnete jwa botshelo ga bo fitlhelwa fela mo go amogela Jesu Keresete go nna Mopholosi (seo se sentle tota). Bokao jwa nnete nnete jwa botshelo ke fa re simolola go sala Keresete morago re le barutiwa ba gagwe, re ithutha mo go ene, re nna le ene ka tsela ya go buisa Lefoko, Beibele, re buisana le ene ka thapelo, le go tsamaya le ene ka go obamelwa ditaelo tsa gagwe. Fa o ise o dumele mo go Keresete (kgotsa e le gone o dumelang) gongwe o ka bo ore, “seo ga se bontshe se itumedisa e bile se na le bokao mo go nna!” ke kopa o buise mela e e latelang, ke seo se boletsweng ke Jesu Keresete:

“Tlaang kwano lona lotlhe ba ba lapileng, bo lo imelwang; ke tla lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute mo go nna; gonne ke bonolo le boikokobetso mo pelong,mme lo tla bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, morwalo wa me o botlhofo” (Matheo 11:28-30). “ke tlile gore ba nne le botshelo jo bo feletseng” (Johane 10:10b). “ fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapano sa gagwe, a ntshale morago; gonne yo o ratang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me o tla bo bona” (Matheo 16:24-25). “O natefelwe ke Morena, mme o tla go naya dikeleletso tsa pelo ya gagwe” (Pesalome 37:4).

Dikwalo tse di fa godimo di re bolella gore re na le boikgethelo. Re ka nne ra tswelela ka go laola matshelo a rona, ra iphitlhela re tshela botshelo jo bo se nang bokao, kgotsa re ka batla Modimo le maikaelelo a gagwe ka matshelo a rona ka pelo tsa rona tsotlhe, mme ra bona botshelo jo bo tletseng, ra newa dikeletso tsa pelo tsa rona, ra fitlhela boitumelo le tsoe di re lekanetseng. Se ke ka ntlha ya gore Motlhodi wa rona o a re rata mme o batla gore re bone dilo tse dintle mo botshelong (e seng botshelo jo bo bobebe, fela botshelo jo bo felletseng).

Fa o rata metshameko mme o tshwanatse go ya go bogela motshameko wa bo mankge, o ka duela bonye felao tla fiwa tulo e e kwa moragorago mo o sa boneng sentle, mme fa o ka duela madi a a bonalang, o fiwa situlo fa gaufi le batshameki. Go ntse jalo le mo botshelong jwa Bokeresete. Fa o batla go bona Modimo a dira tota ga o a tshwanelwa go nna modumedi wa Sontaga fela. Bodumedi ba Sontaga fela ga ba duela tlhwatlhwa. Go bona Modimo o dira matshelong a rona re thswanetse ra ineela, ra tlogela tseo di ratwang ke rona ra sala thato ya Modimo morago.fa re ka ineela jalo, re tla bona Modimo a dira, re tla kgona go iteba, relebe le bangkarona, le Modimo kwa ntle le go itshola! A o duetse tlhwatlhwa? A o ikaeletse go e duela? Fa go le yalo, go o kitla o tlola o nyorela go itse bokao jwa botshelo jwa gago.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Botshelo bo kaya eng?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries